Mogologolo o rile bodiba jwa go ja ngwana wa ga mmaago e re o bo feta o bo sikologe. O gakolola gore o tsamaye kgakala le fa o boneng mongwe a tlhagelwa ke bosula gona. Se ipolele gore wena o tla nna le tsela ya go bo feta; o a itshepa o botlhale go mo gaisa kgotsa bokgoni jwa gago bo phala jwa gagwe.
Go a tle go diragale gore o kopane le mongwe a sotlhilwe ke bojalwa. O mo tlhomogele pelo fa o mo lebelela. Bogolo fa e le motho yo o mo itseng mme o itse gore a kile a ema sentle jang mo botshelong. Gongwe e bile ke morutegi kgotsa e kile ya nna moeteledipele yo o tlotlegang mo setšhabeng.
O simolotse nno a ipolelela gore go na le batho ba bantsi ba ba nwang sentle mme bojalwa bo sa ba re sepe mme le ena o tla tshwana le bona. Go bo go sa nne jalo. Ke bodiba jo bo jeleng ngwana wa ga mmaago; tsamaela kgakala le bona. Wena fa o bo simolola o itse jang gore bo tlaa go tsaya jang? E seng bojalwa fela le diritibatse.
Ga twe monna mongwe o kile a kgatlhiwa ke sekgorane sengwe. Se pagama dikoloi tse di maphatsiphatsi, ntlo ya gagwe e gadisa ka bontle. A utlwa ka podi ya tsela gore ke mongwe wa digongwana tse di tseelang batho dikoloi tsa bona le go thuba le go utswa. Ga go a ya kae a utlwa gore sekgorane seo le ditsala tsa gagwe ba tshwerwe e bile dithoto tsa bona di rekisitswe; ba latlhetswe dingwagangwaga mo kgolegelong.
Go na le go re re yo a bone kotsi ya go tshela ka go tlola molao, ena le ditsala tsa gagwe ba eletsana gore bona ga ba kitla e nna dieleele jaaka ba ba neng ba tshwarwa. Ga ba kitla ba dira diphoso tse bao ba neng ba di dirile. Owaa! Ka maiteko a ntlha fela a go tseela motho sejanaga, mong wa sona a mo thunya a ba a raga kika gona foo. E le ruri nonyane e e mephuphutho mebe e iphatlha ka diphuka tsa yona.
Mmuapele o rile mosadi fa a inama o a bo a ikantse motlokolo. Motlokolo ke mosese wa Setswana wa kwa morago o o thibelang botlhaswa fa mosadi a inama.
Seane se se bolela gore fa o dira selo o tlhokomele gore o na le bonnete jo bo tletseng jwa se o se ikantseng e se re gongwe wa tloga wa lelela kgama le mogogoro.